Current Status
Not Enrolled
Price
Free
Get Started

O amogetswe mo khosong ka tiriso ya mafaratlhatlha a inthanete, “Matseno a Thuto ka Bogole.” Mo khosong eno, o tla ithuta ka lefatshe la bogole. Ga re kitla re bua ka sengwe le sengwe, mme o tla ithuta dilo tsa motheo. Re tlile go akanya ka mokgwa wa loago wa bogole, go sekaseka dikgoreletsi tse di ka dirang gore go tshela ka bogole go nne thata, le go tlhaloganya ditshwanelo tse di netefatsang gore mongwe le mongwe o tshwarwa sentle. Gape re tla sekaseka dikakantsho le go bua ka melemo ya go akarediwa. Seno ke tshimologo fela ya go tlhaloganya ka fa batho ba ba nang le bogole ba ikutlwang ka teng. A re ithuteng!

Dintlha tseno di tlhagisitswe ke Shonaquip Social Enterprise (SSE). SSE ke mokgatlho o o tsepamisitseng mogopolo mo go kgontsheng go akarediwa ga batho botlhe go akaretsa le bana ba ba nang le bogole. SSE e thusa ka mananeo a le mantsi a go akaretsa batho ba ba nang le bogole a a diretsweng batsadi, barutabana ba ECD, badirediloago, maloko a setšhaba le baitseanape.

www.ShonaquipSE.org.za 

Click here to continue